Molaetsa go tswa kwa go Montlhakedimogolo
Moragonyana ga dikgwedi tse 18 ke nako ya gore ke a leboga!
Ikgapele dimpho tse dintsi mo Kgaisanong ya Sisonke ya Gems
Lenaneo la baimana la GEMS - Go dira gore kimo e nne bonolo
Tebo ya dithuso ka SMS - Dithuso tsa gago di bonwa ka dintlha tsa menwana
Malatsi a go tlhola maemo a pholo a GEMS - Go lere pholo e e botoka ka tlhamalalo kwa go wena
Komiti ya sekema e netefatsa gore o nna le iketlo mo moweng
Ditsiboso
Re romelele dintlha tsa gago tsa ID
Ntšhwafatso ya konteraka ya tiro: Netefatsa gore go tladitswe tsotlhe tse di botlhokwa!
Dikgwedi tse tharo o saletse kwa morago ka dituelo: lefelo le le kotsi la dithuso
Letsa phala fa o bona bobodu
Kamogelo kwa maokelong a Medi-Clinic
Re mo gare ga ngwaga wa 2009 mme mariga a re tshwere ka thata. Fa malatsi a ntse a khutshwafala le go tsidifala, re solofela go go leretse bothito le boiketlo ka tlhagiso ya bobedi ya Facets ya 2009.
Facetse e nang le tebego e ntšhwa e amogetswe le go tsibogelwa ka bothito le phisegelo mme re tshepa gore tlhagiso e e tla go itumedisa, kgatlhisa le nna le mosola.
Dikgang tsa nnete
Fa motho a akanya gore ditiro tsa GEMS di lebile thata go tshola maloko a rona a a fetang 350 000 a itumetse le go itekanela, go tota go makatsa gore ke go le gonnye go le kana kang go aroganya dikgang tsa nnete - tse gantsi di felang sentle ka boitumelo - tsa maloko a rona. Kgang nngwe ya go nna jalo, ya ga Mzimasi Ngqelu le gore o ne a rudisetswa jang mo botshelong morago ga go nkgankga loso, e gorogile malobanyana mo dikantorong tsa rona. Re amilwe thata ke sepheto se GEMS e nnileng le sona mo botshelong jwa ga Mzimasi. Ga ke tle go senya kgang e ka go go bolelela sengwe le sengwe fa; mme o ka nna wa buisa kgang ya gagwe e e tiisang mooko fa o bula mo tsebeng e e latelang.
Mo tlhagisong e re boa re sirolola kgaisano ya maloko a rona, Sisonke, e e tiisitweng mooko ke maitemogelo a ga Mzimasi. Re go rotloetsa go tsenela kgaisano e ka gonne re batla go utlwa gore GEMS e amile botshelo jwa gago jang.
Ditirelo tse dintšhwa - GEMS e nna botoka le go feta mo 2009
Le fa re setse re le mo gare ga 2009, re setse re itsisitse ditirelo tsa maloko di le mmalwa tse dintšhwa. Mo tlhagisong e o tla buisa go le gontsi ka Lenaneo la rona le le kgethegileng la Kimo, le le itsisitsweng ka la 1 Motsheganong 2009 mme le tlamela baimana ka tshegetso, thuto le kgakololo ka kgato nngwe le nngwe ya kimo ya bona le morago ga pelegi.
Re itsisitse malatsi a go lekola maemo a pholo e e lereng ditirelo tsa go go lekola maemo a pholo kwa lefelong la gago la tiro. Tirelo e nngwe e ntšhwa e e sirololwang mo tlhagisong e ke Tebo ya Dithuso ka SMS e maloko a rotloediwang go e dirisa. O tlhoka fela go tlhomamisa gore o na le dithuso tse kae pele ga o lopa tuelo ka go romela SMS kwa Sekemeng sa gago se se gaisang, mme re tla boela mo go wena ka tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang mo sebakeng sa metsotswana!
Nngwe le nngwe ya ditirelo tse dintšhwa e tlhagelela ka botlalo kwa pelenyana mo lekwalokgannyeng le - ka ga jalo netefatsa gore o buisa gotlhe ka yona. Mo paakanyetsong ya molaetsa o, ke lekile fela jaaka ka metlha, go bontsha maloko a rona gore GEMS e tsweletsa go maemo a a gaisang. Palo ya maloko a rona e tswelela go gola mme maloko a rona a tshwanetswe ke ditirelo tse di ba direlang ka botlalo
Ke solofela gore o tla itumelela tlhagiso e ya Facets, go fitlha mo nakong e e tlang - thutafala mme o nne o itekantse.
bo fetogile ka gotlhe morago ga letsatsi le a batlileng go tlhokafala mo kotsing e e setlhogo ya sejanaga. Ngqelu, Motlatsamokaedi: Tlhaeletsano,
Lefapha la Ditirelo tsa Kgwebisano ya Setšhaba, yo e leng leloko la GEMS, ga a ise a gopole letsatsi leo go feta se a se boneng mo malatsing a a sa tswang go feta, fa a ne a amogela lekwalo la bofelo la tshupamolato kwa posong.
Ka ponyo ya leitlho ke ne ka lemoga gore ga nkitla ke tsamaya ke kgona go duela molato otlhe wa dituelo tsa bookelo wa R180 000 go tswa mo kgetsing ya me," Ngqelu o ne a tlhalosa jalo. "Madi a mantsi a
GEMS e a dueletseng dituelo tsa bookelo a netefaditse gore ke amogela kalafo e e siameng thata. E bile e bolokile botshelo jwa me", ga rialo Ngqelu, lentswe la gagwe le roroma le tletse maikutlo a kutlobotlhoko.
Morago ga go amogela lenanetheko la bofelo o ne a utlwa go tlhokega gore a lebogele GEMS thuso ya bona. "Ntlha ya gore ga ke a bona dikgobalo tsa leruri mo kotsing e ke kgakololo ya letsatsi le letsatsi ya gore GEMS e ne ya ntla jang matshediso - tseno tsotlhe le fa ke ne ke ise ke fetse ngwaga ke le leloko la GEMS".
Ka letsatsi la kotsi, la 8 Diphalane 2007, loapi lo ne lo le talafetse ka maru ka gonne go ne go tla matlakadibe. Morago ga tiro o ne a tsena mo teng ga Nissan Micra ya gagwe mme a kgweetsa go tswa kwa Hatfield, Pretoria go leba kwa ntlong ya gagwe kwa Centurion. O ne a fetsa fela go feta sekhutlo sa Mebila ya Hofmeyer le Botha fa sejanaga sengwe se ne se kgabaganya lebone le le hibidu ka lobelo lo lo kwa godimo. O gopola thulano ya fa sejanaga seo se ne se thula sa gagwe mo letlhakoreng la mopalami. Morago ga moo, go ne ga fifala sengwe le sengwe. Nngwe ya dikakanyo tsa bofelo tse di kgabagantseng monagano wa gagwe ke gore o ne a gopotse go kgomaretsa semanego sa GEMS mo sesiraphefong sa gagwe. "Ke ne ke sa itse go le gontsi gore go tla ntswela mosola ka nako e ke tlhokang".
Go tsewa gore mongwe yo o neng a eme gongwe foo o ne a leletsa Netcare 911. Hannes Bosman, modiredi wa tshoganyetso yo o itseng go le gontsi ka tshegetso ya botshelo wa Netcare 911 yo o dirang mo Bookelong jwa Netcare Unitas, o ne a itlhaganelela kwa lefelong la kotsi. Bosman o sa ntse a gopola kotsi e. "Pula e ne ya simolola go na fa re tshwere phage ka mangana go golola Ngqelu mo matlhekgeng a tshipi a a kileng a nna koloi ya gagwe. Ka ntlha ya gore re ne re bone semanego, re ne ra itse gore re ka mo isa kwa bookelong jo bo gaufi jo bo siameng le gore go ne go se kitla go nna le kakabalo jaaka mo mabakeng a balwetsi ba bangwe ba ba seng mo sekemeng sa kalafi."
Bosman le dingaka ba ne ba sa nagana gore Ngqelu a ka phologa. Dingaka di ne di boleletse balelapa la gagwe gore go na le kgonagalo ya gore ga a kitla a tlhola a tsoga gape. Le fa go ne go ka direga, o ne a ka nna le bolwetsi jwa tebalo kgotsa a swa ditokololo. Mme mongwe le mongwe o ne a nyaditse mowa wa go kgaratlha wa ga Ngqelu. Morago ga dibeke tse pedi a le mo maibing mo yuniting ya tlhokomelo e e tseneletseng kwa Bookelong jwa Netcare Unitas, Ngqelu o ne a tsoga - mme boboko jwa gagwe bo ne bo dira sentle fela.
O ne a romelwa kwa lefelong la tsosoloso ya dikgobalo kwa Kensington, Johannesburg, kwa o neng a amogela fisioterapi le tlhatlhobo ya tlhaloganyo. Ka Ferikgong 2009 o ne a itekanetse sentle gore a ka boela kwa tirong; sengwe se dingaka di neng di akanya gore ga se kitla se kgonagala. A re botshelo jwa gagwe bo fetogile go nna botoka. A re, "Ke tlotla botshelo le go feta e bile ke iponetse mosadi." O nyetse Nqobile Mangena (jaanong ke Ngqelu), modirammogo, ka Ngwanaatseele ngogola. Ga jaana o itumelela kadimo ya gagwe e ntšhwa ya botshelo mme o leka go rotloetsa batho ba le bantsi ka mokgwa o kgonang ka teng gore e nne maloko a GEMS. O feleletsaka gore, "Gape ke a leboga GEMS." "Ga lo a dira pharologanyo fela mo botshelong jwa me, mme lo bo bolokile."
boitekanelo tsa gago di tokafetse mo go bonalang morago ga go nna maloko a GEMS?
Fa go ntse jalo, re batla go utlwa ka maitemogelo a a siameng a o nnileng le ona jaaka leloko la GEMS. Fa o aroganya kgang ya gago le rona, jaaka go dirile Mzimasi Ngqeli, o ka nna wa gapa mpho! Ga o tlhoke go nna mokwadi kgotsa mmegakgang yo mogolo; o tlhoka fela kgang e e siameng e o ka e bolelang.
Nka e tsenela jang?
Go bonolo! Re romelele fekese, emeile kgotsa o pose lekwalo mo o re bolelelang kgang ya gago e e siameng. O ka nna wa dira jalo ka puo nngwe le nngwe ya semmuso - re tla a buisa otlhe!
Gakologelwa go akaretsa leina, dintlha tsa kamano le nomore ya go nna leloko.
Nka fenya eng?
Fa se utlwala sentle, netefatsa gore o tsenela kgaisano ya GEMS ya Sisonke. Re letile go utlwa mo go wena! Kgaisano ya GEMS ya Sisonke e simolola ka la 1 Phukwi 2009 mme e tla tswelela go fitlha kwa bokhutlhong jwa Phatwe 2009. Fa o batla tshedimosetso go ya pele ka mabaka otlhe a kgaisano, etela www.gems.gov.za.
Ke ka boitumelo jo bogolo go itsise kgaisano e e farologaneng le tse dingwe. E e diretsweng wena fela! Fa o le leloko la GEMS o na le nonofo ya go e tsenela. Fa o dira jalo, o na le tšhono ya go gapa mpho e e eletsegang. O tla aroganya kgang ya gago le maloko a mangwe a
GEMS, badirammogo le - se se botlhokwa thata - le rona.
Kgaisano e e ka ga eng?
Kgang ya ga Mzimasi Ngqelu e ne ya re tiisa mooko rotlhe mo GEMS gore re bo re akanye go rotloetsa maloko a rona a mangwe a mantsi go aroganya le rona dikgang tse di kgethegileng. A go na le sengwe se se diragetseng mo GEMS e neng ya go falosa mme o tsaya gore batho ba bangwe ba tshwanetse go utlwa ka sona?
A GEMS e go kgatlhile ka tirelo ya bona, tsibogelo e e bonako, lentswe la botsalano moseja ole wa mogala kgotsa letsogo la thuso le le neng le sa solofelwa; mongwe yo o direlang wena kgotsa ba o ba ratang go feta jaaka go solofetswe?
A lebaka la gore o leloko la GEMS le boloka botshelo jwa gago, kgotsa botshelo jwa mongwe wa balelapa la gago? Kgotsa a botshelo le Re motlotlo go bega gore jaanong batho ba ba welang ka fa tlase ga leloko ba ka fitlhelela Lenaneo la Kimo la GEMS le le ntšhwa. Lenaneo le tsentswe tirisong ka la 1 Motsheganong 2009 mme le tlamela baimana ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga leloko ka tshegetso, thuto le kgakololo mo dikgatong tsotlhe tsa kimo ya bona le nako ya fa ba fetsa go belega.
Lenaneo le le dira jang?
Lenaneo le eteletswe pele ke batsamaise ba kgang, ba e leng baoki ba ba nang le maitemogelo ba ba kwadisitsweng e bile ba na le dithuto tsa tlaleletso tsa pelegiso. Ba tla go thusa ka tirego ya ikwadiso mme o ka ikgolaganya le bona ka logato longwe le longwe la kimo ya gago fa o batla kgakololo le tshedimosetso.
Mosola wa go nna leloko la lenaneo:
O tla amogela buka ya GEMS ya kimo le pelegi, e e tlamelang ka tshedimosetso ya bomme ba ba letileng go nna le ngwana.
Bomme ba fiwa pakana ya mpho ya mahala go tswa GEMS! E tla romelwa kwa go bomme ba ba leng mo kgweditharong ya bona ya boraro ya kimo ya bona.
Batho ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga leloko ba amogela lenaneo la tlhokomelo le le fang dintlha tsa ditirelo tsa kimo tse GEMS e di dumeletseng.
O tla fitlhelela tshedimosetso ya pholo e e tla go thusang go akanya ka pholo ya gago le ditlhopho tsa pelegi le ngaka ya gago kgotsa mmelegisi.
Kgakololo ya mogala le tshegetso di teng fa o kopana le mathata ka dibeke tsa ntlha tse di mmalwa tsa botsadi. Ela tlhoko: Lenaneo le ke mahala mo malokong mme go tla dirisiwa dithuso tsa ka gale tsa kimo. Lenaneo le neela maloko dithuso tse dintsi mme ga le emele kgakololo ya kalafi e e tswileng diatla le tlhokomelo e maloko a e amogelang kwa dingakeng.
Ke ikwadisetsa jang lenaneo le?
O tlhoka go ikwadisa fa ngaka e se na go totobatsa gore kimo ya gago. Fa o batla go ikwadisa kgotsa go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le GEMS mo 0860 00 4367 kgotsa o romele emeile mo go enquiries@ gems.gov.za
Ke ga kae o kileng wa tlhoka go netefatsa dithuso tsa sekema sag ago sa kalafi ka lepotlapotla? Re a itse gore gantsi seno ke sa bonako mme re ipoleletse gore re batla tharabololo. Go netefatsa dithuso tsa gago jaanong go ka diriwa ka bonako le bonolo ka SMS. Romela SMS kwa GEMS ka sebopego se se beilweng (leba fa tlase) mme mo metsotswaneng e se kae o tla bona karabo ya SMS e e tlhomamisang dithuso tsa gago tse di teng. Ela tlhoko gore dikhouto tse di bonolo tsa maloko ba ba tlhophileng Sappphire le Beryl di farologane le tsa maloko a Ruby, Emerald kgotsa Onyx. Se ke ntlha e e botlhokwa ya kagosešwa ya GEMS e e go leretseng tlhokomelo ya pholo e o ka e fitlhelelang!
E dira jang?
Romela tshedimosetso e e latelang ka SMS mo 33489 (SMS nngwe le nngwe e ja R1.50): Kgato 1: Kwala Thuso. Kgato 2: Kwala nomore ya go nna leloko la GEMS. Kgato 3: Tlhopha thuso e o batlang go netefatsa go tswa mo mananeong a a fa tlase (Ela tlhoko: ke thuso e le nngwe fela e o ka e netefatsang ka SMS mo setlhopheng se.) Kgato 4: Kwala khouto e khutshwane go tswa mo manaaneng a a fa tlase. Kgato 5: Kwala khouto ya motho yo o kwadisitsweng ka fa tlase ga gago (o ka nna wa fitlhela se kwa morago ga karata ya gago ka fa tlase ga "Leina", sekai 00, 01 jalo le jalo). Fa e le gore ke wena lelokolegolo, kwala "00". Kgato 6: Tobetsa o romele mo selefouneng ya gago. Press send on your cell phone. Kgato 7: Letela karabo go tswa go GEMS mo metsotswanang e mmalwa.
Go amogelwa kwa bookelong
PMB Dithuso tse di kwa tlase tse di beilweng
Fa SMS ya gago e sa atlega, o tla amogela karabo go tswa GEMS e e tlhalosang gore ke goreng. O ka nna wa baakanya phoso mme o romele SMS e ntšhwa go bona tshedimosetso e o e batlang. Fa
GEMS e itsisitse ditirelo tsa tekolo ya maemo a pholo tsa mafapha, le le simologileng ka la 1 Motsheganong 2009. Maloko a tla bona thuso ka sebaka se go lekola maemo a pholo ka mokgwa ka tsela ya seporofešenale go bona matshosetsi a pholo a o nang le ona kgotsa a a nang le bokgoni jwa go nna teng ka pele gore bolwetsi bo thibelwe kgotsa bo fokodiwe.
Badiredipuso ba e seng maloko a GEMS ga jaana le bona ba tla dirisa tirelo e e khethegileng e.
Go diragala eng ka letsatsi la tekolo ya maemo a pholo?
Fa ba laleditswe ke lefapha la gago, diporofešenale tsa tlhokomelo ya pholo ba GEMS ba tlhoma lefelo la tekolo ya maemo a pholo kwa lefapheng la gago. Badiri botlhe ba tla tsenela ditekolo tsa maemo a pholo letsatsi lotlhe.
Diporofešenale tsa tlhokomelo ya pholo ba tla nna teng go buisana le wena ka namana ka hisetori ya gago ya pholo le go dira diteko tsa tekolo ya maemo a pholo le kalafi. Dipholo di tla buisanelwa le wena o le nosi mme o tla fiwa kgakololo ya gore o ka tsaya dikgato dife go ya kwa pele.
Ka letsatsi la tekolo ya maemo a pholo la GEMS, badiri botlhe ga ba kitla ba tlhoka go ikwadisa ka bonosi, ka gonne diporofešenale bat la bob a ba letetse kwa lefelong. Ba tlhoka fela go nna teng! Badiri botlhe ba tla tlamelwa ka ditshidilo mo tlhogong le mo thamong ka letsatsi le jaaka tlaleletso go tswa mo sekemeng sa gago se se kwa pele sa kalafi.
Badiri botlhe ba ba tsayang karolo mo ditekolong tsa maemo a pholo bat la amogela tshedimosetso ka matshosetsi a pholo ya bona le dikgato tse ba tshwanetseng go di tsaya go thibela kgotsa go fokotsa mathata a a amanag le pholo.
Ke diteko dife tsa tekolo ya maemo a pholo tse di tla diriwang?
Badiri ba tla tlhoka go tlatsa pampiri e e bonolo ya dipotso ya hisetori ya kalafi, e e tla tlamelang porofešenale ya tlhokomelo ya pholo ka tshedimosetso e ntsinyana ka faele ya gago pele a go dira diteko. Diteko tse di latelang tsa boithaopi di tla bo di le teng ka letsatsi la tekolo ya maemo a pholo:
Sukiri ya madi le kholeseterole (fa o batla se o tlhoka go tlhabiwa monwana o le mongwe).
Sedikiso sa letheka.
Mo karolong ya bobedi ya tatelano ya rona ya WEB SMARTER re go bolelela go le gontsi ka karolo e ntšhwa ya Boitekanelo jwa me ya wepesaete ya GEMS, e e go tlamelang ka tshedimosetso le kgakololo ya pholo e o e batlang. O ka nna wa fitlhelela diathikele tse di nang le tshedimosetso ka ga boitekanelo kwa laeboraring ya kalafi ya ditshupo, tsamaiso le kalafi. Batla setlhogo sa tlhopho ya gago ka go dirisa thulaganyo ya rona e e bonolo ya go batla tshedimosetso. Lefelo la thuso ya potlako le tlamela ka tshedimosetso ya gore o ka tsaya jang dikgato tsa ka bonako fa go nna le tshoganyetso ya kalafi. O ka nna wa ithuta go lemoga ditshupo tsa bolwetsi jwa pelo le go dirisa thuso ya potlako.
Sala morago ditaelo tse di bonolo go fitlhelela kgakololo ka boitekanelo jwa gago:
Batla wepe ya gago. Ya kwa www.gems.gov.za. Mo tsebegaeng ya wepesaete, fela ka fa tlase ga boloko ya dikitsiso, o tla bona konopo ya "Boitekanelo jwa me" (e e nang le setshwantsho sa ditleloko tse pedi). Tobetsa konopo ya tsena mo "Lefelo la me la Boitekanelo" le le go tlamelang ka phitlhelelo go: - Ditlhogo tsa boitekanelo - Laeborari e e tseneletseng ya kalafi - Lefelo la Thuso ya Potlako
Go tlaleletsa Boto ya Batlhokomedi ba Sekema (BOT) le tsamaiso ya setlhopha, go na le dikomiti tse tlhano tsa Boto tse di lebelelang tiro e e diriwang mo mafelong a a farologaneng. Ba dira ditiro tsa bona go go itumedisa. O ka nna o na le kitso ya gore sekema sa gago se mo matsogong a a siameng.
Dikomiti tseno ke:
Komiti ya ditiro E thusa BOT ka go netefatsa ditiro tse di siameng tsa sekema, jaaka go kokoanya dikabelo, go duela dikopotuelo le go tsamaisa direkoto tsa maloko. Komiti e gape e thusa BOT ka theko le thekiso le tlhaeletsano.
Komiti ya Ex Gratia E tlhatlhoba, akanya le go bega dithebolo tsa dituelo tsa ex gratia, ke gore tuelo ya dikopotuelo tsa maloko mo dithuso tsa ka gale di seng teng. Go dirisiwa mokgwa o o gagametseng fa komiti e kopana ka kgwedi le go leba dikopo tsa dituelo tsa ex gratia.
Komiti ya tsamaiso, E netefatsa gore tsamaiso ya setlamo e dirisiwa mo mererong matshosetsi le badirimmogo a sekema, ka go nna le bonnete jwa gore Sekema ga se gatake molao ope o o amang ditiro tsa yona. E tshwanetse gape go netefatsa gore matshosetsi go kgwebo ya Sekema a lemogiwa mme a tsamaisiwa ka tsela e e nepagetseng le gore dikgatlhegelo tsa badirimmogo di sireleditswe sentle.
Komiti ya kganetso E ikemetse mme e akanya le go okama kganetso nngwe le nngwe e Montlhankedi mogolo a ka nnang a e romela kwa go nona gore e sekasekiwe.
Go botlhokwa gore leloko lengwe le lengwe le tlamele sekema ka dintlha tsa ID tsa batho ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga gagwe. Re tlhoka tshedimosetso e go netefatsa gore re duela ditopotuelo ka nepagalole gore rekoto ya maoko a rona e nna e tladitswe le go nna mo dinakong. Re kopa o romele khopi ya setefikeite kgotsa dibukaitshupo ka go di romela ka poso kwa Premium Management, Private Bag X782, Cape Town 8000; ka go fekesa kwan go 0861 00 4367; kgotsa go romela emeile kwa enquiries@ gems.gov.za.
Fa o thapilwe ka konteraka ya nakwana, ya leruri kgotsa ka tiro e e rolang mo tirelobosetšhaba go botlhokwa go tlatsa dipampiri tse di maleba fa konteraka ya gago e ntšhwafadiwa le gore tsentswe mo thulaganyong ya rona ya rolo ya dituelo.
Fa se se sa direge, tuelo ya gago ya kgwedi e ka nna ya se duelwe mme GEMS ga e kitla e kgona go kokoanya dikabelo tsa gago tsa sekema sa kalafi. Se se ka feleletsa se dira gore dithuso di kgaolwe le kganetso ya ditopotuelo tsa ditshenyegelo tsa gago tsa kalafi.
Fa konteraka ya gago e ntšhwafadiwa, o tshwanetse go bona tshedimosetso go tswa kwa lefapheng la gago la HR gore rolo ya dituelo ya lefapha la gago e tsentswe tshedimosetso e e maleba gore go nna leloko ga gago kwa GEMS go tswelele kwa ntle ga kgaotso.
Nako ya dikgato tsotlhe tse e botlhokwa mme o tshwanetse go bua le modiredi wa GEMS fa o ka itemogela mathata.
GEMS e kokoanya dikabelo tsa sekema sa kalafi ka dikgogo tsa kgwedi le kgwedi mo mading a gago a kgwedi, e e diriwang ke rolo ya dituelo ke mothapi (mo mabakeng a le mantsi, Persal).
Fa dikabelo tsa gago tsa ngwaga le ngwaga di sa duelwa (ke gore di saletse kwa morago), GEMS e ka kokoanya madi a a saletseng kwa morago ka dikgogo mo mading a gagwe a kgwedi seeleteroniki. Le fa go ntse jalo, fa dikabelo tsa gago di sa duelwa mo dikgweding tse tharo, re ka se ke ra goga seeleteroniki gape, ka gonne thulaganyo ya rolo ya tuelo ga e letlelele seno.
Se o tshwanetseng go se dira fa o na le madi a o a kolotang GEMS go feta dikgwedi tse tharo:
Kopa lefapha la gago la HR go baakanya dikgogo tsa ka letsogo mo kgweding ya gago go duela madi a a saletseng kwa morago. O ka nna wa leletsa lefelo la kgolagano la GEMS mogala mo 0860 00 4367 mme o kope lekwalo la 0189, le o ka nnang wa le isa kwa lefapheng la gago la HR. Lekwalo la 0189 le tla tlhalosa se o tshwanetseng go se dira.
GAKOLOGELWA: fa dikabelo tsa gago di sa duelwa tsotlhe di ka feleletsa ka kgaotso ya dithuso tsa gago mme se se ka dira gore go ganwe ditopotuelo.
Motlamedi wa Tsamaiso ya Malwetsi, AID for AIDS, e fana ka tshedimosetsio ya mogala le kgakololo go go tshegetsa le go gakolola maloko otlhe a yona ka mogala le kgakololo go maloko otlhe a GEMS. Fa e le gore wena kgotsa mongwe wa balelapa la gago a tlhoka kgakololo kgotsa thuso nngwe le nngwe, ikgolaganye le AID for AIDS mo 0860 100 646. Bagokolodi ba rona ba ba katisitsweng ba teng go go thusa mme mogala wa gago e tla nna khupamarama.
Fa o belaela tiro ya bobodu, ikgolaganye le mogala wa GEMS, o o laolwang ke KMPG. O se ka wa tshoga go bega dilo tse di sa nnang sentle, ka gonne ke tirelo e e ikemetseng ya bosaitseweng. Megala e bulelwa diura tse 24 ka letsatsi, maltsi a le 7 ka beke. Dira se se siameng!
Sala morago dikgato tse dif a tlase go bega bobodu:
Leletsa 0800 21 2202 (kwa ntle ga tuelo).
O ka nna wa se bue gore ke wena mang. Tlamela dintlha tse di tletseng ko go modiredi wa mogalaka tiragalo. Dintlha tsa go nna jalo ke tse di akaretsang: eng, jang, kae, leng le boleng jwa madi a a dirisitsweng.
O tla fiwa nomore ya kaelo. E beye sentle gonne o ka e tlhoka mo nakong e e letelang.
Tirelo ya Ditsala tsa GEMS, e e go letlang gore o batle motlamedi yo o tlhwatlhwatlase wa tlhokomelo ya pholo mo lefelong le o nnang mo go lona ka SMS, e tokafaditswe! Fa go se na motlamedi mo karolong ya gago, tirelo e tla go batlela mo lefelo le le gaufi. Tsenya kopo mme o re letle re go batlele.
O ka batla jang motlamedi wa tlhokomelo ya pholo ka go dirisa Ditsala ya GEMS?
Romela SMS kwa 33489 mo sebopegong se se latelang: nomore ya gago ya go nna leloko, tlhaloso ya motlamedi wa tlhokomelo ya pholo, toropo.
O tla amogela karabo ka bonako, e e go fang dintlha tsa batlamedi ba tlhokomelo ya pholo mo lefelong la gago. Leletsa lefelo la kamano la GEMS mo 0860 00 4367 kgotsa o tele wepesaete fa o batla tshedimosetso go ya pele. SMS nngwe le nngwe e ja R1.50.
Sekema se dira ditiro tse di farologaneng nako le nako go tokafatsa boleng jwa sona mo bathong ba ba se dirisang. Ga jaana re tsamaisa porojeke ya phaeloto ka kgolagano ya dingaka tsa bomankge mo KwaZulu-Natal. E lebile go lemoga ditharabololo mo ditshenyegelong tse di kwa godimo tse di amanang le go ya kwa bookelong ka tuelo ya dingaka tse di neelang ditireli tse di amogelesegang tsa tleliniki.
Fa o ya go bona nngwe ya baitsenape ba ba tsayang karolo mo porojekeng e ya phaeloto, ba tla go fa tshedimosetso ka tseokarolo ya bona pele ga go go neela tlhokomelo kgotsa batho ba ba kwadisitsweng ka fa tlase ga gago.
Fa o amogelwa kwa bookelong jwa Medi-Clinic, netefatsa gore a sekema se na ke dithuso tse di lekaneng. Medi-Clinic e kaile gore ba ka nna ba kopa maloko a GEMS gore ba duele le bona.
